paroles de chanson / Obstakls parole / Bonno lyrics  | ENin English

Paroles de Bonno

Interprète Obstakls

Paroles de la chanson Bonno par Obstakls lyrics officiel

Bonno est une chanson en Anglais

Letsatsi ka seatla ke le huparetse
Ke le tsere ka bomo
Ka gore Modimo o mphuraletse
Marang a lone a kgwa o kare mathe
Ke tshwere sekapamantswe
Ke le lentswe le le bogwata
Le se borethe
Molora, ba ba gaufi ba nna one
Ke ba tshuba jaaka dipone
Ke kgotsofatswa thata ke selelo sa bone
Gore o mpone
Gareng ga bosigo
Leba dinaleding o mpone
Ke rapaletse mo marung
Ke Modimo montle
Ga ke manga ga ke tsamaya
Ga ke gate mo mmung
Ke kokobala mo phefong
O kare ke mo pharashutung
Se ntshwantshanye le Jeso
Ke Modimo o tshotsweng
Go tswa mo mmudubudung
Pholoso le kgalalelo
Ke tsa Modimo wa tlhakatlhakano
Setilo se segolo sa dihele
Ke bonno
Satane tlhogo ke kgaotse a bo ke tseela
Bonno
Ga go na Modimo ope ko ntle ga nna
Jeso kresete o ntshutela mo stilong a bo ke nna
Ke botsogo jo bo tokafatswang ke lehihi
Ke setshedi sa molelo
ke bopilwe ka molelo wa letsatsi
O lesego ha re ise re kopane
Ke nonofile le ha ke bopame
Dikago tse di goletseng kwa godimodimo
Ke di thula di sala di kgauthane
Molomo o tswala hao shename
Se re tshwantshanye
Ha re tshwane
Ke pelokgale jaaka matshwane
Bosigo lefifi ke manthwane
O o diphuka ditona jaaka sefofane
Dithaka bokgoni ke
Rramaranyane wa lejeremane
Tlhakatlhakano
Ke leina la me la sefane
Modimo o o mo rapelang
O mpitsa Modimo o o mogolwane
Bosigo ka dithaka
ke loya ke palame mokwatla wa matholwane
A le matlho a pelekane
I can do anything muahaha
Die
Hiya
Hiya
Hiya
Hiya
Poifo e kgolo
Ke thataganya ditopo jaaka thotobolo
Bagolo ba nkitse boSatane
Go tswa bogologolo
Ha ba mpona e kete ke selo
Sa mmannete mme e se sa mmannete
Ha ke itsiwe ke se naga
Ha ke itsiwe ke sa tshwane
le phologolo epe ya naga
Lehatshe lotlhe ke le busa ke le nosi
Baganetsi le banthoi ke ba tsosetsa dikotsi
Droits parole : paroles officielles sous licence Lyricfind respectant le droit d'auteur.
Reproduction des paroles interdite sans autorisation.
Auteur: Solo Mmokele
Copyright: O/B/O DistroKid

Commentaires sur les paroles de Bonno

Nom/Pseudo
Commentaire
Copyright © 2004-2024 NET VADOR - Tous droits réservés. www.paroles-musique.com
Connexion membre

Se connecter ou créer un compte...

Mot de passe oublié ?
OU
CREER COMPTE
Sélectionnez dans l'ordre suivant :
1| symbole à droite du nuage
2| symbole à droite de la poubelle
3| symbole en bas de l'enveloppe
grid grid grid
grid grid grid
grid grid grid